LWANTSHA KHOLERA
MOKGWA O O BONOLO WA GO THIBELA KHOLERA
MAFAPHA:
MERERO YA METSI LE DIKGWA
BOITEKANELO JWA POROFENSE LE PUSOSELEGAE
THULAGANYO YA TLHAELETSANO LE TSHEDIMOSETSO YA MMUSO
Kholera ke eng
Kholera ke bolwetse jo bo tshwarang motho fa a nwa metsi le go ja dijo tse di nang le mogare wa kholera.
Mogare o o tlholang kholera o fitlhelwa mo mantling a motho.
Kholera e phasalala jang
Ka go nwa metsi le go ja dijo tse di kgotlhetsweng ke mogare wa kholera
O bona jang fa motho a na le kholera
Fa motho a nna le teng e e iperekang ka bonako
Fa motho a tlhatsa
Fa motho a feletswe ke metsi a mantis mo mmeleng
Kholera e ka thibelwa jang
Netefatsa gore metsi a o a dirisang a bedisitswe kgotsa a phepafaditswe
Go bedisa metsi: Gotetsa metsi go fitlhela a tswa dipudula, mme o a tlogele a bele motsotso o le 1
Go phepafatsa metsi: Tsenya leswana le le lengwe la bolitšhi mo dilitareng tse 25 tsa metsi
Tlogela metsi a khurumetswe sebaka sa diura di le 2 kgotsa go feta pele o a dirisa.
Tlhatswa dijo tse di sa apewang ka metsi a a bedileng kgotsa a a phepafaditsweng pele o di ja.
Tlhatswa didiriswa tse di dutelang metsi, dipitsa le dikotlolo ka metsi a a bedileng kgotsa a a phepafaditsweng.
Dirisa komiki e e phepa go gelela metsi go tswa mo sedutelong se segolo.
Ka metlha khurumela dijo tsa gago mme o di sireletse kgatlhanong le dintsi.
Agela VIP kgotsa ntlwanaboithusetso ya mosima kgakala le metswedi ya metsi (noka kgotsa motswedi).
O se ka wa dirisa noka jaaka ntlwanaboithusetso, fela dirisa VIP kgotsa ntlwanaboithusetso ya mosima.
Tlhapa diatla tsa gago ka metsi a a bedileng kgotsa a a phepafaditsweng morago ga go dirisa ntlwanaboithusetso le pele o tshwara dijo.
O ka thusa jang motho yo o setseng a tshwerwe ke kholera?
Mo nose motswako o montsi wa sukiri/letswai.
Motswako wa sukiri/letswai o dirwa jang
Tsaya litara e le nngwe ya metsi a a bedisitsweng kgotsa a a phepafaditsweng, tshela selekano sa maswana a tee a le 8 sa sukiri le halofo ya leswana la tee la letswai, mme o tswakanye.
Neela motswako o ka go sorwa kgafetsakgafetsa ka fa go ka kgonagalang ka teng.
TLHOKOMELA
Gakologelwa, tswelela go nosa motho yo o nang le kholera motswako wa sukiri/letswai.
Isa motho yoo kwa tliliniking e e gaufi kgotsa lefelo la go mo tshela metsi ka bonako jo bo ka kgonagalang.
Fa o batla tshedimosetso go ya pele, kgotsa o akanya gore o ka tswa o na le kholera, etela tliliniki e e gaufi, bookelo, ngaka kgotsa modiri wa boitekanelo.
